Skip to product information
1 of 4

TSWANA - Dikang tsa ga koko tsa bana

TSWANA - Dikang tsa ga koko tsa bana

Regular price R 146.00 ZAR
Regular price R 200.00 ZAR Sale price R 146.00 ZAR
Sale Sold out
Quantity

Buka e, e na le dikgang di le 21 tse di fetisitsweng go tswa mo tshikeng e nngwe go ya kwa go e nngwe. Mme jaanong ke di fetisetsa kwa go lona.

"Ke dikgang tse ke goletseng mo go tsone ke di reeditse, ke gakologelwa ke etela bagolwane ba lelapa la gaetsho, ke ntse le rre ke reeditse dikgang tsotlhe ka kgomo ya maselamotse, baloi ba ba bosula le mosetsana yo o neng a ka fetoga nonyane. Bommemogolo ba ne ba tlhola ba bolela dikgang mme ke ne ke utlwa dithuto tse dikgang di neng di di ruta."

Mo kgannyeng e e bidiwang, "Dikhutsana". Re fitlhela mme wa bobedi yo o setlhogo yo o fufegelang lorato lwa monna wa gagwe mo go morwawe. Mmè wa bobedi o swetsa ka gore a tsenye botlhole mo dijong tsa mosimane yono. Letsatsi lengwe mmè wa bobedi o ne a gatelela gore e nne ene a apeelang lelapa. Go apaya mo ntlong go ne go tlhola go dirwa ke mosetsana mme tiro eno e e sa tlwaelegang ya bopelonomi e ne e dira gore kgaitsadie mosimane a belaele. Mosetsana o ne a lebile mmaagwe wa bobedi a apaya mme a mmona a tsenya modi o mohibidu o o botlhole mo dijong tsa ga monnawe. Go boloka botshelo jwa ga monnawe, mosetsana o ne a tle a fetoge nonyane, a nne fa godimo ga kala mo lesakeng la dikgomo fa monnawe ene a tswalela dikgomo bosigo, mme a tlhagise monnawe gore a seka a ja phaletshe. Kgang e e re ruta ka lorato, boikanyegi, le gore molemo o tla busetsa bosula ka metlha.

Mo kgannyeng e e bidiwang, “Saṅombe”. Re fitlhela mosetsana yo o bidiwang Denga yo o neng a nyetswe a na le bana ba le babedi, Munyadziwa le Munzhedzi. Ngwaga mongwe, morago ga dingwaga di le tlhano a sa bone batsadi ba gagwe, o ne a kopa monna wa gagwe gore a ba etele le go ba bontsha bana ba gagwe. Monna wa gagwe o ne a dumela, mme fela fa kgomo ya bone e e boitshepo e ka tsamaya le ene. Eno e ne e se kgomo e e tlwaelegileng mme e ne e le kgomo ya maselamotse e e kgonang go bua, go opela le go apara jaaka motho.

 

View full details